Weeds (Maize )										Tswana



O ka laola mefero ka katlego jang



Instructions : 

Folio Strap: Taolo ya mofero 

Byline: Jane McPherson motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos:



Photo 1: Dijalo tsa mmidi tse di bokoa; bona jaaka mefero e fentse ntwa.

Photo 2: Taolomofero e e bokoa, lemoga ka moo mmidi o setlhafetseng ka teng.

Photo 3: “Wild Oats” e e fitlhetsweng mo koronnye. Bona dijalo tse di telele tse  ditshweu tsa “wildoats” mme le dijalo tse di hibitseng tse dikhutshwane tsa  mofero.

Photo 4: Yellow Nut Sedge e e fitlhetsweng mo tshimong ya mmidi



Temothuo e sala go nna kgwetlho mme fela fa ke ithayang ke re mongwe le mongwe o utlwile sentle ka taolomofero, ke etetse masimo mme ke fitlhetse mathata a a boitshegang ka mefero, bogolosegolo “Yellow Nut Sedge”, “Uintjies” le monakaladi.



Kwa ntle ga taolomofero e e siameng le e e feletseng ga o kitla o kgona go ntsha dijalo ka poelo le itshegeletso. Mefero ke mmaba wa gago – mefero e gaisanela le dijalo tsa gago metsi, dikotla, sebaka le lesedi. Tshenyegelo ya ntshokuno ya dijalo e kwa godimo mo e leng gore ga o ka wa kgona go letla mefero go dirisa monontsha o o totisitseng dijalo tsa gago.



Se se botoka go gaisa mo taolomoferong ke go thibela mefero gore e se gole gotlhelele. Fa o tlogelela taolomofero go e dira moragonyana le gona fa e setse e godile thata pele o e bolaya, tota e setse e dirile tshenyo e e boitshegang mo dijalong tsa gago. Katlego ya bontsi jwa temodijalo e e ikaegile ka katlego ya taolomofero.



Itse mefero ya gago

Fa o sa itse mmaba wa gago, ga o kgone go lwa ka nonofo. Fa o bona masimo a mantšhwa a o sa itseng, ka dinako dingwe go bokete o abelela mefero e o tlaa e fitlhelang foo. Fela le gale, morago ga setlha sa ntlha mo tshimong nngwe le nngwe, o tlaa itse mefero e e teng foo mme o tshwanetse go kgona go e thibela go gola. O tshwanetse go itse gore a mefero eo ke ya matlharephaphathi kgotsa matlharesesane. Go ka nna molemo tota fa o itse maina a mefero e e tlhogileng mo tshimong e e rileng gonne o tlaa kgona go bona kgakololo gore o ka laola mongwe le mongwe wa yona botoka jang.



Rulaganya togamaano ya taolomofero ya gago go sa le gale pele ga setlhajalo.

Fa o ikaegile ka taolo ya semotšhine, netefatsa gore tiragatso nngwe le nngwe (tshugommu ya motheo kgotsa tlaleletso) e bolaya mefero gotlhelele. Ela tlhoko thata gore meno a sediriso a gatana ka nepo gore o se tlogele metšhetšhedima epe ya mefero. Fa masimo a le metsi thata fa o tlhagola go tlosa mefero, gakologelwa gore e ka jalega sešwa mo mmung o o bongola le go tswelela go gola. O tshwanetse wa bo o tlhomamisa gore ke sebolayatlhatshana sefe se o yang go se dirisa thata pele ga jalo. O tlaa tlhoka go netefatsa gore sekgatshi sa gago se mo maemong a a siameng a go dira le terekere gore e a dira, ka selekayo kgatelelo le ka dinosele tse tshwanelanang.



Bona kgakololo ya moitseanape

Go na le batho ba ba itseng thata ka taolo ya mefero mo dijalong. Gakologelwa gore taolomofero e e turang thata ke e e sa dirang. O ka bo o sa duele madi, fela gakologelwa gore o tlaa o latlhegelwa ke lotseno lo lo boitshegang.



Pele ga go jala 

Go ka dirisiwa sebolayatlhatshana se se sa tlhaoleng se akaretsang (jaaka Roundup kgotsa Gramaxone), kgotsa tshimo e ka phepafadiwa ka motšhine. Gakologelwa gore fa re bua ka sebolayatlhatshana se se sa tlhaoleng, se tlaa bolaya semela sengwe le sengwe se se tala mo tshimong. O tlhokomele thata fa o dirisa dibolayatlhatshana tse, gonne fa o setse o kgatshitse ga go se o ka tlholang o se dira go tlosa khemikale.



Morago ga go jala 

Go latela go jala, sebolayatlhatshana sa pele ga tlhogo se se kwadiseditsweng ka kgethego taolo ya mofero ya mefero e e kgethegileng eo mo sejalong se se kgethegileng seo, se ka dirisiwa. Monakaladi o ka nna mathata a magolo, mme ga o botlhofo go bolawa. Ka lesego, Yellow Nut Sedge e ka laolwa ka katlego, mo mmiding le mabeleng kago dirisa Servian (kuno ya mo motseletseleng wa Syngeta). Dibeke tse thataro tsa ntlha mo botshelong jwa dijalo ke tsa botlhokwa thata mo taolong ya mofero – kgaisano go tswa meferong mo dikgatong tsa go tlhoga e na le tshusumetso e e bosula mo thobong kwa bofelong. 



Nako ya tshelo ya dibolayatlhatshana 

Mefero e tshwanetse go laolwa fa e sale menana, e gola ka go phorosela le pele ga e naya dimela kgaisano. Mefero ka gale e tshwanetse go laolwa pele e ungwa. Fa mefero e setse e dirile peo, peo le yona e tlaa mela le go gakatsa bothata. Kgaisano le mefero e ama thobo ya dijalo. Ka nako ya bogola, masimo a sa ntse a tshwanetse go tsholwa a se na mofero. Peo ya mofero e kgona go boba mo mmung nako e telele le go tlhoga fa maemo a e siametse.



Taolomofero ka khemikale

Go na le mesola e le mmalwa mo go diriseng taolomofero ka khemikale.

E dirwa ka bonako – ka bonako go gaisa taolo ka motšhine

Fa masimo a le metsi, terekere e e gogang sekgatshi e ka tsena mo masimong thata pele ga terekere e e gogang sediriso se se tlhagolang.

O ka laola mofero pele o tlhoga ka jalo wa thibel kgaisano.

Go kgatsha go ka fitlhelela mefero yotlhe le go e bolaya yotlhe, fa e le gore mefero e e mo gare ga dijalo tse di mo moleng gantsi e tlogelwa e sa kgongwa morago g tlhagolo.

E boloka bodiri – mo kgaolong tse dintsi tsa Aforikaborwa, taolomofero e dirwa ka diatla. Se ke tiro e e boima tota. Bothata jo bongwe jo re nang le jona ke gore paka e mofero o befileng ka yona gantsi ke ya Keresemose le Ngwaga o mošwa, e e leng gore ke nako e batho ba itsemeletsang go dira. Fela fa nako ya malatsi a boikhutso a fela, mefero ga e tlhole e laolega mme tshenyo e setse e dirilwe.



A re direng mmogo go dira 2010 Ngwaga o go se nang mofero. Fa re ka tsepamisa mogopolo mo ntlheng e nngwe fela e, ke a tlhomamisa gore re tlaa atlega.

